48
Buka 4B MOPHATO 3 SETSWANA 1.  Dikeletso tse tharo 2.  Batsoma diphologolo 4. Aforika Borwa wa rona 3.  Tau le peba

Buka 4B Buka 4B - Molteno Institute for Language and ... · Buka nngwe le nngwe e na le ditlhamane di le nne tse di farologaneng, go akaretsa le mokwalo ka dilo tsa mmatota. Pele

  • Upload
    others

  • View
    0

  • Download
    0

Embed Size (px)

Citation preview

  •        Buka 4B       Buka 4B

    MOPHATO 3 SETSWANAISBN: 978-1-77580-235-8

    MOPHATO 3

    1.  Dikeletso tse tharo 2.  Batsoma diphologolo

    4. Aforika Borwa wa rona3.  Tau le peba

     BUKA 1A   BUKA 1B1. Selae sa bofelo sa kuku2. Ntate o tlhokometse lesea3. O tlile go dirang jaanong?4. Tobekano e kana!

    1. Kausu e e latlhegileng2. Melekorone3. Go aba go monate4. Setshwantsho sa popego

        BUKA 2A    BUKA 2B1. Ke leotwana la ga mang le?2. Neo o kae?3. Black-mampatile4. Kganetsano fa gare ga phefo le letsatsi

    1. Thusa!2. Sephiri3. Segwete se segolo4. Ke ipaakanyeditse leeto

          BUKA 3A      BUKA 3B1. Ao, Rre Kgabo!2. Go reetsa mmino 3. Re baka dikuku le nkoko4. Bosigo mo polasing

    1. Ke mang yo o thubileng fensetere?2. Lesedi o ya lebenkeleng3. Sopo ya maje4. Go nna eng fano?

            BUKA 4A         BUKA 4B1. Mmutla le Khudu2. Toropo ya rona3. Tshoswane le tsiekgope4. Ke leino la ga mang le?

    1.  Dikeletso tse tharo2.  Batsoma diphologolo3.  Tau le peba4.  Aforika Borwa wa rona

    (le Bukana ya Dikarabo tsa Sekao)

    Dibuka tsa go ithuta go buisa mo kgatong eno di na le ditsebe tse di oketsegileng, mokwalo o o oketsegileng mo tsebeng nngwe le nngwe, dipolelo tse di telelenyana, pharologano e kgolwane ya dipaterone tsa dipolelo, puo ya semmuso le puotlhalosi, mmogo le tlotlofoko e kgolwane. Go buisa e nna selo se se itiragalelang fela jaanong, ka boikaelelo jwa go tlhaloganya mo boemong jwa go bitsa mafoko fela /go a peleta fa barutwana ba le gaufi le go buisa ka bobone. Dibuka tseno tsa go ithuta go buisa di ba naya ditshono tsa go buisa ba le setlhopha, ba kaelwa, ka bobedi le bobedi le ka bongwe ka bongwe.

    SETSWANA

    Dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato 3 tsa Vula Bula di katisetsa bana go ithuta go buisa ka thelelo ba sa le bannye. Buka nngwe le nngwe e na le ditlhamane di le nne tse di farologaneng, go akaretsa le mokwalo ka dilo tsa mmatota. Pele ga tlhamane nngwe le nngwe, go na le lenaane la mareo a tlotlofoko le lenaane la mafoko a go leng ‘thata go a buisa’ a go lebeletsweng gore barutwana ba a kgone. Tlhamane nngwe le nngwe e latelwa ke dipotso di le mmalwa tsa tekotlhaloganyo, le ditirwana tsa puo le tsa a re kwaleng tse di golagantsweng le CAPS le Dibukatiro tsa Mophato 3 tsa DBE.

    Tswana-4B.indd 2-3 2015/10/19 12:22 PM

  • Motseletsele wa dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato wa Motheo

    E phatlaladitswe ke Molteno Institute for Language and Literacy ka 2014

    E duetswe ke Zenex Foundation

    Mophato 3 Buka 4B n Motlhagisi wa motseletsele: Jenny Katzn Batlhami ba ditlhamane: Mirna Lawrence le Jenny Katzn Dipotso le ditirwana tsa morago ga go buisa: Jenny Katzn Mankge wa puo ya Setswana: Peter Mekgwen Mogakolodi wa Setswana: Johanna Mogodirin Batshwantshi: Vusi Malindi - 1. Dikeletso tse tharo

    Rob Owen - 2. Batsoma diphologolo Vusi Malindi le Marleen Visser - 3. Tau le peba Marleen Visser (ditsebe 31, 42) - 4. Aforika Borwa wa rona

    n Dinepe: iCLIPART.com (tsebe 37) phenkwine Schalk Viljoen (tsebe 39) galjoen

    n Boalo le thulaganyokgabo: Resolution le ihwhiteDesign

    © 2014 ke ya Molteno Institute for Language and Literacy

    ISBN 978-1-77580-235-8

    MOPHATO 3

           Buka 4B

    Diteng 

    1. Dikeletso tse tharo ............................................ 1

    2. Batsoma diphologolo ....................................... 11

    3. Tau le peba ....................................................... 21

    4. Aforika Borwa wa rona ..................................... 31

    Creative Commons Attribution-NonCommercial-NoDerivatives (CC BY-NC-ND) 4.0 International Licence

    Disclaimer: You are free to download and share this work as long as you attribute the Molteno Institute for Language and Literacy, but you may not change this work in any way or use it commercially.

    Tswana-4B.indd 4-5 2015/10/19 12:22 PM

    http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/

  • 1

    1. Dikeletso tse tharo

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    mokgoro, tshoganyetso, gwasa, maselamose, bogagaru, garoga pelo,

    ikwatlhaya

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    tlwaelegang, tshoganyetso, tsweetswee, ikwatlhaya

    E theilwe mo tlhamaneng ya Sejeremane

  • 2

    Go kile ga bo go le morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ba nna mo teng ga mokgoro o monnye gaufi le sekgwa.

    Letsatsi lengwe morema-ditlhare o ne a le mo sekgweng a rema ditlhare fa a ne a kopana le setlhare se sentle se se neng se sa tlwaelega. A tsholetsa selepe go rema legong le lentle.

    Ka tshoganyetso, matlhare a setlhare a simolola go gwasa ka modumo o o kwa godimo, mme ga tswa lentswe le le kwa godimo le le sa tlwaelegang le goa le re, ‘Tsweetswee o se kwa wa rema setlhare seno!’

    Morema-ditlhare o ne a maketse. ‘Ke mang yo o buang?’ a botsa a tshogile.

    ‘Ke nna, mowa wa setlhare. Setlhare seno ke sa maselamose. Fa o sa se reme, ke tla go leboga ka

    dikeletso tse tharo,’ lentswe la rialo.

    A maketse e bile a gakgametse, morema-ditlhare a dumela mme a tswa a ya go batla setlhare se sengwe gore a se reme.

  • 3

    Mo maitseboeng ao morema-ditlhare a boela gae mme a fitlhela mosadi wa gagwe a apeile dijo tsa maitseboa. A mmolelela se se diragetseng kwa sekgweng le se mowa wa setlhare sa maselamose o se buileng.

    ‘Dikeletso tse tharo!’ a bua jalo ka boitumelo. ‘Re ka eletsa eng? Madi a tshipi a gauta? Gongwe ntlo e ntšha? Kgotsa diaparo tse dintšha? Ao tlhe monna wa me, re tshwanetse go akanyetsa seno ka kelotlhoko thata. Re se ka ra nna bonako kgotsa go nna bogagaru. Go botlhokwa gore re dirise dikeletso tseno tse tharo ka botlhale le ka tsela e e siameng.’

  • 4

    Dijo tsa maitseboa di ne tsa siama ka bonako. Mosadi a naya morema-ditlhare borotho le mageu.

    ‘Mmm, borotho jo bo monate,’ a rialo. ‘Ke eletsa e kete ke ka bo ke na le boroso e kgolo e e mafura, e e monate gore ke bo je ka yone.’

    E ne ya re a ise a fetse go bua, boroso e kgolo, e e mafura ya tlhaga ka tshoganyetso mme ya wela fa gare ga tafole!

  • 5

    Morema-ditlhare o ne a garoga pelo ka ntlha ya se a se dirileng. Mosadi wa gagwe o ne a tshogile. ‘Hei seeleele ke wena! O fetsa go senya ka nngwe ya dikeletso tsa rona tse di botlhokwa!’ a omanya morema-ditlhare.

    ‘Ke phoso. Tlogela go nkomanya!’ morema-ditlhare a rialo, a ithibile ditsebe ka diatla.

    Mme mosadi wa gagwe a se ka a tlogela go mo omanya. A nna a mo omanya, a mo raya a re o sentse keletso ka boroso e kgolo e e mafura, mme go na le dilo tse dingwe tse dintsi thata tse ba di tlhokang.

    A se ka a emisa go mo omanya le go ngongorega, go fitlha morema-ditlhare a sa tlhole a kgona go itshoka. ‘Go lekane, mosadi ke wena! Didimala! Ke eletsa e kete boroso e kgolo eo e ka bo e kgomaretse sefatlhego seo sa gago se segolo!’ a goa jalo.

    E ne ya re a ise a fetse go bua, boroso ya tlola go tswa mo tafoleng ya kgomarela mo sefatlhego sa mosadi wa gagwe!

  • 6

    ‘Bona gore o dirileng jaanong!’ a lela. ‘Ga o a senya ka keletso ya rona ya bobedi fela, mme jaanong nko ya me e fetogile boroso e kgolo e e mo mafura! Nthuse go e tlosa mo sefatlhegong sa me!’

    Morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ba goga boroso thata ka moo ba neng ba ka kgona ka gone, mme boroso e ne e kgomaretse thata e sa sute le go suta.

    Dikeledi di ne di elela mo matlhong a mosadi e bile di rothela mo godimo ga boroso. ‘Ke ka se tswele kwa ntle ke ntse jaana! Ga ke batle go bonwa ke ntse jaana! Ke tla dirang tota?’ a lela.

  • 7

    Morema-ditlhare a akanya ka dilo tsotlhe tse dintsi tse a neng a ka di eletsa, jaaka beke e kgolo e e nang le madi a tshipi a gauta kgotsa ntlo e ntle. Morago ga moo a leba mosadinyana wa gagwe yo nko ya gagwe e neng e le boroso e kgolo e e mafura, e bile o ne a itse gore go ne go na le selo se le sengwe fela se a neng a ka se dira ka keletso ya boraro ya bofelo.

    ‘Ke eletsa e kete boroso e ka boela mo tafoleng,’ a buela jalo kwa tlase.

    E ne ya re a ise a fetse go bua, boroso ya tlola go tswa mo sefatlhegong sa mosadi wa gagwe mme ya fofa mo moweng ya kotama ka bonolo mo godimo ga tafole.

  • 8

    Mo maitseboeng ao, morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ba ja dijo tsa maitseboa tsa borotho jo bo monate, mageu le boroso e e mafura.

    Mme ba tshela ka boitumelo morago ga moo.

    Thuto ya leinane leno ke go nna kelotlhoko fa o eletsa sengwe, gore o se ka wa ikwatlhaya fa keletso eo e diragadiwa.

  • 9

    Dikeletso tse tharo

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Morema-ditlhare o dira tiro efe?

    a) O rema ditlhare a bo a rekisa dikgong.

    b) O jala ditlhare.

    c) O betla dilo ka dikgong.

    d) Tsotlhe tse di fa godimo.

    2. Morema-ditlhare o ne a itse jang gore e ne e le setlhare sa maselamose?

    3. Setlhare se ne sa solofetsa morema-ditlhare eng?

    4. Mosadi wa morema-ditlhare o ne a re ba tshwanetse go dirang ka dikeletso?

    a) Ba tshwanetse go eletsa go nna le madi a tshipi a gauta.

    b) Ba tshwanetse go eletsa go nna le ntlo e ntšha.c) Ba tshwanetse go akanya ka kelotlhoko pele ga

    tlhalosa keletso ya bone.

    d) Ga ba a tshwanela go itlhaganela kgotsa go nna pelotshetlha.

    e) a le b kwa godimo

    f) c le d kwa godimo

    5. Mosadi wa morema-ditlhare o ne a mo naya dijo dife tsa maitseboa?

    6. Naya dipolelo dinomore go tswa go 1-4 ka tatelano e e siameng ya kgang.

  • 10

    a) Morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ba ne ba ja boroso.

    b) Boroso e kgolo, e e mafura ya tlhaga ka tshoganyetso mme ya wela fa tafoleng.

    c) Boroso e ne ya boa ya wela mo godimo ga tafole.

    d) Boroso e ne ya tlola go tswa mo tafoleng ya kgomarela mo sefatlhegong sa mosadi wa morema-ditlhare.

    7. Goreng morema-ditlhare a ne a galefela mosadi wa gagwe?

    8. A dikeletso tse tharo di ne tsa fetola botshelo jwa morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ka tsela epe? Goreng o bolela jalo?

    B. Go dirisa puo DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 7, 19, 41, 107

    Leba mo mabokosong. Batla lekaelagongwe (lefoko la bokao jo bo tshwanang) le leganetsi (lelatodi) la lengwe le lengwe la mafoko a le 4 a a fa tlase.

    1. bonako (tsebe 3)

    2. kelotlhoko (tsebe 3)

    3. kgolo (tsebe 4)

    4. kwa tlase (tsebe 7)

    C. A re kwaleng

    A re tseye gore o ne o na le dikeletso tse tharo. Kwala dipolelo di le 8-10 o tlhalose gore o ne o tla ikutlwa jang le gore o ne o tla eletsa eng.

    Makaelagongwetonakapeleka tidimalosentle

    Maganetsibotlhaswannyekwa godimobonya

  • 11

    2. Batsoma diphologolo

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    ditshenekegi, botlhole, ditsejwana, tlhangwe, marontho, bokoduntwane,

    moano, dikgama, tatso, diphiri, melemo ya setso, go runa dinta,

    matsetse, bontsu, balemirui, diruiwa, polanete, diamusi, merubisi,

    digagabi, ditlhale tsa sei, itlobola, digodi, tamusa, mabolai, ditlhaa

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    ditshenekegi, ditsejwana, bokoduntwane, tlhangwe, ditshwene,

    setlhopheng, tlhokomelwa, itshireletse, tshwanetse

  • 12

    Ka tlhago diphologolo dingwe di tsoma diphologolo tse dingwe gore di di je.

    Digokgo ke ditsomi. Mebele ya tsone e dira ditlhale tsa sei tse di dirang bobi ka tsone. Di tshwara dibolawa tsa tsone ka bobi jwa tsone jo bo kgomarelang.

    Batho ba le bantsi ba boifa

    digokgo, mme bontsi jwa digokgo ga di kotsi mo bathong. Digokgo di re thusa ka go ja ditshenekegi tse di kotsi jaaka dintshi le menang.

    Serurubele se tsomiwa ke segokgo!

    Faele ya dintlha: digokgo 1. Digokgo ga se ditshenekegi. Di na le dipara

    tse nne tsa maoto.2. Di na le mmele wa dikarolo tse 2, maoto a le 8 le

    matlho a le 8.3. Ga di na ditsejwana.4. Go na le mefuta e ka nna 3000 ya digokgo mo Aforika

    Borwa. E le nne fela ya yone e botlhole mo bathong.

  • 13

    Segokgo se tsomiwa ke segwagwa!

    Digwagwa ke ditsomi. Di dirisa leleme la tsone le le telele le le kgomarelang go tshwara dibolawa tsa tsone jaaka ditshenekegi le digokgo.

    Digwagwa di beela mae mo metsing a a phepa. Bana ba digwagwa, ba ba bidiwang bokoduntwane, ba nna mo metsing mme ba lebega jaaka ditlhapi.

    Digwagwa tse di mebalabala gantsi di botlhole. Mebala ya tsone e laela diphologolo gore di se atamele.

    Faele ya dintlha: digwagwa 1. Digwagwa di nna mo mmung le mo metsing.2. Digwagwa ga di na megatla.3. Digwagwa di itlobola letlalo fa di gola.4. Mefuta e mentsi ya digwagwa e a nyelela.

    Seno se raya gore fa re sa di tlhokomele ga go na go sala dipe mo lefatsheng.

  • 14

    Jaanong segwagwa se tsomiwa ke noga!

    Dinoga ke ditsomi. Di dirisa meno a mabedi a maleele a a botlhole, a a bidiwang mabolai, go bolaya digwagwa le ditshedi tse dingwe tse dinnye ka one. Dinoga tse dikgolo di dirisa mebele go tamusa sebolawa tsone.

    Dinoga ga di bone e bile ga di utlwe. Di ‘utlwa tatso’ ya mowa ka go ntsha leleme le go le gonyetsa. Bontsi jwa dinoga di nna mo maemo a bosa a leng bothitho gone.

    Faele ya dintlha: dinoga 1. Dinoga ke digagabi. Digagabi di na le makape. Di na le

    madi a a tsididi. Di lala mo letsatsing gore di thuthafale. Di tsala dinogana ka go beela mae.

    2. Dinoga ga di na maoto, ditsebe le losi lwa matlho.3. Go na le mefuta e ka nna 130 ya dinoga mo Aforika

    Borwa. E le 12 fela ke ya tse di kotsi e bile di ka bolaya batho.

    4. Jaaka digwagwa, dinoga di itlobola letlalo fa di gola.

  • 15

    Noga e tsomiwa ke tlhangwe!

    Bo tlhangwe ke ditsomi. Mo boemong jwa go tsoma ba fofa mo moweng, ba tsamaya mo tlhageng e telele fa ba tsoma dibolawa. Ba tsoma motshegare fela.

    Bo tlhangwe ba dirisa maoto a bone a a nonofileng go gatakela setsomiwa sa bone, go roba marapo a sone. Ba tsoma dinoga le diphologolo tse dingwe jaaka ditshenekegi, dipeba le dinonyane tse dinnye.

    Faele ya dintlha: bo tlhangwe 1. Bo tlhangwe ba tsentswe mo

    teng ga moano wa Aforika Borwa.2. Jaaka dinonyane tsotlhe, ba apere mafofa, ba

    na le diphuka e bile ba beela mae.3. Tlhangwe ke nonyane e e tsomang. Dinonyane

    tseno di ja nama.4. Dinonyane tse dingwe tse di tsomang ke

    bontsu, digodi, manong le merubisi.

  • 16

    Tlhangwe e tsomiwa ke tshwene!

    Ditshwene ke ditsomi. Di na le ditlhaa tse di nonofileng le meno a matelele a a bogale. Di ja maungo a naga, medi, matlhare, ditshenekegi, dinonyane le diamusi tse dinnye.

    Ditshwene di nna mmogo ka ditlhopha tse dikgolo. Di fetsa nako e ntsi di lebana boboa go batla dintsi le matsetse. Seno se bidiwa go runa dinta. Ke tsela e e molemo ya go tsalana mo setlhopheng.

    Faele ya dintlha: ditshwene 1. Ditshwene ke diamusi. Di na le madi a a

    bothitho le mebele e e boboa. Bana ba belegwa ba tshela mme ba anya maši mo go mmaatsone.

    2. Tshwene e tona go di feta – Chacma kgotsa Cape baboon – e mo Aforika Borwa.

    3. Fa ngwana wa tshwene a timelelwa ke mama, o tlhokomelwa ke mme yo mongwe mo setlhopheng.

  • 17

    Tshwene e tsomiwa ke lengau!

    Mangau ke ditsomi. A rata go tsoma bosigo ka gore a bona botoka mo lefifing. Letlalo la tsone le le marontho le dira gore di se bonale. Mangau a tsamaya ka tidimalo ebile a kgona go tshoganyetsa phologolo.

    Gantsi mangau a tsoma dikgama le diamusi tse dingwe.

    Mangau a a godileng a nna a le nosi. A a namagadi a na le bana ba babedi go ya go ba bararo.

    Faele ya dintlha: mangau 1. Jaaka ditshwene, mangau ke diamusi. 2. Bana ba mangau ba bidiwa mangawana. 3. Mangau a nonofile tota. A ka gogela phologolo e

    e bokete kwa godimo mo setlhareng go e boloka gore ditau le diphiri di se e bone.

  • 18

    Lengau le tsomiwa ke motho.

    Goreng motho a tsoma lengau? Mo tlhagong diphologolo di a tsoma gore di bone dijo kgotsa gore di itshireletse. Motho ene o tsomela monate fela. Seo ga se a siama.

    Batho ga ba je mangau e bile ga ba mo kotsing ya go bolawa ke one. Mangau one a mo kotsing ya go bolawa ke batho ba ba a tsomang. Batho ba tshwanetse go sireletsa mangau le diphologolo tse dingwe tse dintle tsa naga tsa polanete ya rona.

    Faele ya dintlha: batho jaaka batsomi 1. Mangau a bolawa ke batsomi gore ba nne le letlalo le

    le ntle la one. Matlalo ano a dira diaparo tsa setso le tsa feshene. Dikarolo tse dingwe tsa lengau di dirisediwa melemo ya setso.

    2. Mangau a bolawa ke balemirui go sireletsa diruiwa tsa bone.

    3. Go swa/Go nyelela phologolo e le nosi ka letsatsi mo polaneteng ya rona.

  • 19

    Batsoma diphologolo

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Kgopolo e kgolo ya mokwalo ono ke _______________.

    a) diphologolo di tsoma diphologolo tse dingwe gore di di je

    b) diphologolo di rata go palama

    c) diphologolo di kotsi

    2. A digokgo ke ditshenekegi? Ntsha mabaka a mabedi go tshegetsa karabo ya gago.

    3. Ke dife tsa diphologolo tseno tse e leng diamusi?

    a) dinoga le digwagwab) digokgo le botlhangwec) ditshwene le mangau d) Ga go epe ya tse di fa godimo.

    4. Ke phologolo efe e letlalo la yone le dirang gore e se bonale fa e tsoma?

    5. A dipolelo tse di latelang di boammaaruri kgotsa maaka?

    a) Botlhangwe ba ja ditshwene. _______________

    b) Digokgo di tshwara ditshenekegi ka bobi jo bo matarelang. _______________

    c) Batho ba tsoma mangau gore ba a je. _______________

    d) Dinoga le botlhangwe ba thuthuga go tswa mo teng ga mae. _______________

  • 20

    6. Segwagwa se tshwara jang dijo tsa sone?

    7. Mangau a fitlha kae dijo tsa one?

    8. Go tla diregang fa batho ba tswelela fela ba bolaya diphologolo tsa naga?

    B. Go dirisa puo

    DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 113

    Kwala bontsi jwa diphologolo tse di latelang:

    1. serurubele 2. ntshi3. monang 4. segokgo5. segwagwa

    6. noga7. nonyane 8. tshwene9. lengau 10. tau

    C. A re kwaleng

    DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 94

    Tlhopha phologolo ya naga e o e ratang (e seng e e mo mokwalong ono). Tlhama faele ya dintlha ka phologolo ya gago. Akaretsa dilo tse di latelang: ke phologolo ya mofuta ofe, e lebega jang, e nna kae, e ja eng, bana ba yone ba tsalwa jang, le dintlha dipe tse dingwe tse di kgatlhang. O ka nna wa tsenya le setshwantsho sa phologolo ya gago.

  • 21

    3. Tau le peba

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    serathane, kgerisa, leano, rora, letlowa, kgaratlha, kokona, duduetsa,

    ikwatlhaya

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    kgaratlha, ikwatlhaya, phaposiborutelo

    Go akaretsa le leinane la Aesop

    Tau le peba

  • 22

    Ka nako ya boikhutso Morutabana Nawa o ne a bona Tiro a lela mo lebaleng.

    ‘Ke eng, Tiro? Go diragetseng?’ a mmotsa ka bonolo.

    ‘Tomi le Kopano ba a nthumola ba re ke serathane. Ba mmpitsa pebanyana e bile ba re ga ke na go nna mogolo le go nonofa jaaka bone,’ Tiro a bua jalo a lela.

    Morutabana Nawa a mo tlamparela. ‘O se ka wa ledisiwa ke basimane bao ba ba senang tsebe, Tiro. Ga go re sepe gore motho o motona go le go kae, sa botlhokwa ke gore a ke motho yo o siameng le yo o pelonomi,’ a rialo. ‘Ke tla bua le Tomi le Kopano ka seno le bana botlhe mo teng ga phaposiborutelo.’

  • 23

    Morutabana Nawa a akanya thata ka Tiro mo letsatsing leo. O ne a ipotsa gore a ka emisa jang bana ba bagaolo gore ba tlogele go kgerisa ba bangwe.

    Morago ga moo Morutabana Nawa a nna le leano. O tlile go buisetsa bana mo phaposing kgang ka tau e e ratang go kgerisa le peba.

    Letsatsi le le latelang, Morutabana Nawa a bitsa bana botlhe gore ba nne mo mmetsheng ba tle go reetsa kgang.

    ‘Reetsang ka kelotlhoko kgang e ke tlileng go lo buisetsa yone gompieno. E na le molaetsa o o kgethegileng,’ a rialo. ‘Morago ga moo re tla bona gore a lo ithutile gore molaetsa oo ke ofe.’

    Bana ba nna ka tidimalo fa Morutabana Nawa a simolola go buisa.

    Tau le peba

  • 24

    Tau le peba

    Letsatsi lengwe tau e ne e robetse mo moriting wa setlhare fa peba e nnye e ne e feta ka bonako mo godimo ga sefatlhego sa yone. Seno se ne sa tsosa tau mme ya galefa tota.

    Ya rora ya re, ‘Hei wena, o tla ikwatlhaya,’ e bua

    jalo e phamola pebanyana eno e bo e bula molomo gore e e je.

    ‘Ijo, nnyaa o se ka wa nja tsweetswee!’ peba ya kopa jalo e tshogile. ‘Ke ne ke sa ikaelela go go tsosa. Fa o sa nje, gongwe ke tla go thusa letsatsi lengwe.’

    Tau ya rora ka setshego. ‘Wena? O thusa nna? O le monnye e bile o le bokoa jaana! O ka ntirela eng tota?’

    Ya tsholetsa peba ka mogatla, ya e akga fa pele ga molomo wa yone. Mme mo boemong jwa go e ja, tau ya re, ‘O a ntshegisa waitse, le fa nka go ja ga ke kitla ke kgora, ka jalo ke tla go tlogela o tsamaye!’

    A iteela peba e e tshogileng kwa ka lenala gore e tsamaye.

  • 25

    Morago ga malatsi a le mmalwa, tau ya tshwarwa ke serai sa motsomi. Tau ya kgaratlha mo gare ga megala ya letlowa mme fa e kgaratlha, megala e ne e mo tlama go ya pele. Nonofo ya tau, bogolo jwa yone, dinala tsa yone tse di bogale le meno a yone a a tshosang di ne di sa e thuse ka sepe. E ne e golegilwe.

    Tau ya rora ka poifo le ka letshogo le ka bogale. Ya rora gore lefatshe le bo le rorome.

  • 26

    Pebanyana ya utlwa tau e rora ka bogale mme ya ya go bona gore molato ke eng. Ya fitlhela tau e letse fa fatshe, e bofilwe ke megala ya serai thata.

    Peba ya gopola se e se solofeditseng, mme ya re, ‘Tau, o kile wa dumela gore ga o kitla o nja. Jaanong o mo bothateng mme ke nako ya me ya gore ke go thuse.’

    Peba ya simolola go kokona megala e e tlamileng tau. Go ise go ye kae ke fa menonyana a yone a mannye a bogale e butse phatlha e kgolo e tau e ka kgonang go falola ka yone. E ne e gololesegile gape.

  • 27

    Tau ya leba peba e bo e oba tlhogo ka tlotlo. ‘Ke a go leboga peba e e molemo,’ ya bua jalo ka bonolo. ‘Ke ne ke le phoso go go tshega ka ntlha ya gore o le monnye. O bolokile botshelo jwa me.’

    ‘Ke go solofeditse gore ke tla go duela letsatsi lengwe. Ke ne ke sa fose fa ke ne ke re peba e nnye e ka thusa tau e kgolo,’ peba ya rialo.

    ‘Ga o a fosa,’ tau ya dumela. ‘Le rona ba re leng bagolo e bile re nonofile ka dinako tse dingwe re tlhoka go tsalana le ba bannye le ba ba bokoa. Mme pelo ya gago kgotsa tlhaloganyo ya gago ga e nnye e bile ga e bokoa.’

    Tau ya ikobela peba gape.

    Mme ba kgaogana mongwe le mongwe a tsaya tsela ya gagwe.

  • 28

    Morutabana Nawa a tswala buka. Go ne go sisibetse mo teng ga phaposiborutelo.

    ‘Bana, a lo tlhaloganya molaetsa wa kgang?’ a botsa.

    Bana botlhe ba koma ka tlhogo.

    ‘Re ithutile sengwe mo kgannyeng eno,’ Tomi le Kopano ba rialo.

    Morutabana Nawa a nyenya. ‘Ka jalo, a go na le swengwe se lo ka ratang go se bolelela Tiro?’

    Basimane ba babedi ba ya mo go Tiro mme ba re, ‘O ka tswa o le monnye, mme ga re botoka go na le wena fela ka gonne re le bagolo e bile re nonofile. Ga solofetsa gore re ka se tlhola re go kgerisa, kgotsa ope fela gape.’

    Botlhe mo teng ga phaposiborutelo ba opa diatla le go duduetsa.

    Morutabana Nawa a oba tlhogo le go akanya gore golo gongwe kgakala tau le peba di a nyenya koo di leng gone.

    Thuto ya leinane leno ke gore ga go a siama go kgerisa ba bangwe fela ka gonne o le mogolo mo go bone e bile o nonofile. Bakgerisi ga ba na boitumelo, ba itira botoka ka go dira gore ba bangwe ba se ka ba itumela. Ope ga a tshwanela go dirwa gore a ikutlwe jalo – mongwe le mongwe o tshwanetse go lejwa a le botlhokwa le go tlotlwa.

  • 29

    Tau le peba

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Kgang eno e bua ka ________________.

    a) bana ba ba tona ba ba ithutang gore ba se ka ba kgerisa bana ba bannye

    b) tau le pebac) morutabana yo o pelonomi, yo o botlhaled) Tsotlhe tse di fa godimo.

    2. Kgang eno e diragaletse kae?

    3. Tomi le Kopano ba ne ba raya Tiro ba reng go mo ledisa?

    4. Morutabana Nawa o ne a buisetsa bana mo phaposiborutelong leinane efe?

    5. Tau e ne ya letla peba go tsamaya ka gonne _________.

    a) e ne e boifa pebab) peba e ne ya dira gore e tshegec) peba e ne e le nnye thata go ka apaya dijo tse

    di monated) peba e ne ya e thusae) b le c fa godimo

    6. Go ne ga diregang ka tau?

    7. Peba e ne ya boloka tau jang?

    8. Naya dipolelo dinomore go tswa go 1–4 go supa tatelano e e siameng ya ditiragalo mo kgannyeng eno:

    a) Bana mo phaposingborutelo ba ne ba utlwa kgang ya kafa peba e nnye e bolokileng botshelo jwa tau ka gone.

    b) Tomi le Kopano ba ne ba solofetsa go se tlhole ba kgerisa ope.

    DBE Mophato 3 Bukatiro 1: 49 ts 104

  • 30

    c) Tomi le Kopano ba ne ba kgerisa Tiro ka gonne a le monnye.

    d) Bana ba ne ba ithuta gore mongwe le mongwe o botlhokwa.

    B. Go dirisa puo DBE Mophato 3 Bukatiro 1: dits 11, 76DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 43, 93, 105

    Thalela matlhalosi a felo mo polelong nngwe le nngwe. Morago ga moo kwala polelo ya gago ka letlhalosi lengwe le lengwe la felo.

    1. Tiro o ne a lela kwa ntle.

    2. Bana ba ne ba nna mo tapeiting.

    3. Tau e ne e robetse ka fa tlase ga setlhare.

    4. Peba e ne ya feta ka bonako mo godimo ga sefatlhego sa tau.

    5. Tau ya kgaratlha mo gare ga megala.

    C. A re kwaleng DBE Mophato 3 Bukatiro 1: ts 5DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 5

    Dirang ka ditlhopha tse dinnye. Dirang phousetara kgatlhanong le go kgerisa. Pegang diphousetara mo mafelong a sekolo sa lona. Di ka dirwa ka mokgwa ono:

    • TLOGELA go kgerisa! • Se tlhapaole batho. • Bakgerisi ba setlhogo, ga ba ratege. • Se bue maaka ka ba bangwe. • Mafoko a kgona go utlwisa botlhoko! • Se kgaphele batho kwa thoko. • Bakgerisi ga ba letlwe mo sekolong! • Se tshege ba bangwe, se ba tlhabise ditlhong.

    KGER

    ISA

    kgerisa

  • 31

    4. Aforika Borwa wa rona

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    pina ya bosetšhaba, semmuso, moano, ditso, diamusi mekgatšha, diphororo, dingwao

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    bosetšhaba, ntšhwe, bontšhwe, diphenkwine, mekgatšha

    Ke AforikaBorwa

  • 32

    Ka 1994 go ne ga tsalwa Aforika Borwa yo moša!

    Re ne ra amogela poresidente wa rona yo moša, Nelson Rolihlahla Mandela.

    Re ne ra opela pina ya rona e e monate ya bosetšhaba, Nkosi Sikelel’ iAfrika, e e nang le dipuo tse tlhano tsa semmuso.

    Re ne ra pega folaga ya rona e ntšha e e mebalabala – e leng yone fela folaga ya bosetšhaba mo lefatsheng ya mebala e le merataro!

    A o bona mokwalo fa tlase ga moano wa rona? O raya ‘go kopana ga batho ba ditso tse di farologaneng’. Ka 1994 re ne ra kopana go nna setšhaba se le sengwe.

    Madiba folaga ya ronamoano wa rona

    Nkosi sikelel’ iAfrika

    Nkosi sikelel’ iAfrikaMaluphakanyisw’ uphondo lwayo,Yizwa imithandazo yethu,Nkosi sikelela, thina lusapho lwayo.Morena boloka setjhaba sa heso,O fedise dintwa le matshwenyeho,O se boloke, o se boloke setjhabasa heso,Setjhaba sa South Afrika – South Afrika.Uit die blou van onse hemel,Uit die diepte van ons see,Oor ons ewige gebergtes,Waar die kranse antwoord gee,Sounds the call to come together,And united we shall stand,Let us live and strive for freedom,In South Africa our land.

    pina ya rona bosetšhaba

  • 33

    Madi a Aforika Borwa a bidiwa diranta le disente. Re a kwala ka ‘R’ yo mogolo le ka ‘c’ yo monnye. Ranta e le nngwe e lekana le disente di le 100.

    Re na le madi a tshipi a 5c, 10c, 20c, 50c, R1, R2 le R5. Tshipi ya one e dirilwe ka dimmetale tse di farologaneng. Madi mangwe le mangwe a tshipi a na le moano wa rona ka fa pele, le sethunya sa mo Aforika Borwa kgotsa phologolo ka fa morago.

    Ka fa pele

    Ka fa moragomogolodi aramolili porothia seterelitzia

    Ka fa pele

    Ka fa moragotshepe tholo kgokong

    5c 10c 20c 50c

    R1 R2 R5 R5

  • 34

    Re na le madi a pampiri a R10, R20, R50, R100 le R200. A na le mebala e e sa tshwaneng. Madi mangwe le mangwe a pampiri a na le setshwantsho sa ga Madiba ka fa pele le phologolo e e sa tshwaneng le a tse dingwe ka fa morago. Diphologolo tseno tse tlhano tsa naga di bidiwa The Big Five.

    Ka fa pele

    Ka fa morago

    R10 – tshukudu R20 – tlou R50 – tau

    R100 – nare R200 – nkwe

  • 35

    Diphologolo tsotlhe tsa naga mo mading a rona a tshipi le a pampiri di nna mo teng ga dirapa tsa diphologolo tsa Aforika Borwa. Batho go tswa mo lefatsheng lotlhe ba tla go bona diphologolo tseno.

    Re lesego go nna le diphologolo tse dintsi jaana tse di farologaneng mo nageng ya rona. Di akaretsa thutlwa – phologolo e telele go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, tlou – phologolo e kgolo go di gaisa mo lefatsheng, lengau – phologolo e e lebelo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, le tau – kgosi ya dibatana. Re tshwanetse go sireletsa le go tlhokomela diphologolo tsotlhe tsa rona tsa naga.

    tlou thutlwa lengau

    tau tholo nkwe

    tshukudu nare kgokong

  • 36

    Phologolo ya bosetšhaba ya Aforika Borwa ke tshepe. E bidiwa springbok ka Afrikanse ka ntlha ya tsela e e tlolelang kwa godimo ka yone fa e taboga. Ka Afrikanse lefoko spring le raya ‘tlola’ mme lefoko bok le raya ‘tholo’.

    Go na le mefuta ya dinonyane e ka nna 850 mo Aforika Borwa.

    Nonyane ya bosetšhaba ya Aforika Borwa ke mogolodi. Mogolodi ke nonyane e telele ya molala o mo leele le maoto a maleele. E itsege ka mmala wa yone wa botala jwa legodimo le bosetlha ka Sekgowa ‘the blue crane’.

    A o ne o itse? Setlhopha sa bosetšhaba sa Aforika Borwa sa rekebii se bidiwa “the Springboks”. Setlhopha se, se ne sa fenya Sejana sa Lefatshe sa Rekebii ka 1995 le ka 2007.

    phologolo ya bosetšhaba: tshepe

    nonyane tsa bosetšhaba:mogolodi

  • 37

    Nonyane e kgolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng, ntšhwe, e nna mo Aforika Borwa. Bontšhwe ga ba itse go fofa mme ba ka taboga ka lebelo le legolo. Ntšhwe e kgolo tota, o ka e palama jaaka pitse! Bontšhwe ba na le matlho a magolo go feta diphologolo dipe mo lefatsheng. Gape ntšhwe e beela mae a magolo go feta ape.

    Diphenkwine le tsone di nna mo Aforika Borwa. Bophenkwine ke dinonyane tse dinnye tsa mmala o montsho le o mosweu tse di nnang go bapa le lewatle. Ga di kgone go fofa mme di kgona go thuma ka lebelo le legolo.

    Re tshwanetse go sireletsa le go tlhokomela dinonyane tsotlhe tsa rona tse dintle.

    bontšhwe

    phenkwine

    A o ne o itse? Lee la ntšhwe le lekana le mae a le 24 a koko!

  • 38

    Mawatle a Aforika Borwa a tletse diphologolo tse di kgatlhang. Di akaretsa maruarua – diphologolo tse dikgolo go di gaisa tsa lewatle, dišaka – diphologolo tsa lewatle tse di kotsi thata, le ditolofine – diphologolo tse di botlhale go di gaisa tsa lewatle.

    maruarua

    šaka le tlhapi

    tolofine

    A o ne o itse? Maruarua le ditolofine ga se ditlhapi – ke diamusi, jaaka rona!

  • 39

    Mawatle a rona gape a tletse ka ditlhapi le ditshedi tsa lewatle tsa dipopego tse di farologaneng, mebala le bogolo.

    khadubane

    A o ne o itse?

    Kwa Kapa Bophirima, Aforika Borwa e kgoma mawatle a mabedi. Ka fa letlhakoreng le lengwe ke Lewatle la Atlantic le le tsididi mme ka fa go le lengwe ke Lewatle la India le le bothitho.

    tlhapi ya bosetšhaba: galjoen

    Tlhapi ya bosetšhaba ya Aforika Borwa ke galjoen. E fitlhelwa fela mo lewatleng le le seng boteng mo Aforika Borwa, mme e seng gope gape mo lefatsheng.

    Re tshwanetse go sireletsa le go tlhokomela ditshedi tsotlhe tsa rona tse di gakgamatsang tsa lewatle.

  • 40

    Sethunya sa bosetšhaba sa Aforika Borwa ke porothia e kgolo. Go na le mefuta e le 360 e e farologaneng ya porothia mo Aforika Borwa. Dithunya tse dintle tseno di ka nna pinki kgotsa di tshweu kgotsa dikhibidu.

    Setlhare sa bosetšhaba sa Aforika Borwa ke logong lo lo setlha. Ditlhare tse dikgolo tseno di ntse di gola mo Aforika Borwa dingwaga di feta dimilione di le 100.

    Re tshwanetse go sireletsa le go tlhokomela dimela le ditlhare tsotlhe tsa rona.

    sethunya sa bosetšhaba: porothia

    setlhare sa bosetšhaba: logong lo lo setlha

    A o ne o itse?

    Setlhopha sa kirikete sa Aforika Borwa se bidiwa “the Proteas”.

  • 41

    Go na le mafelo a mantsi a a kgethegileng a go bona Aforika Borwa. Re na le dithaba le mekgatšha, dikgwa le dikaka, dinoka le diphororo tsa metsi, mawatle le dintshi tsa mawatle. Re lesego go bo re na le lefatshe lotlhe mo nageng e le nngwe! Re tshwanetse go sireletsa le go tlhokomela naga ya rona.

    sekaka noka

    thaba le losi lwa lewatle sekgwa

    A o ne o itse? Diphororo tsa Tugela ko KwaZulu-Natal ke diphororo tsa di kwa godimo tsa maemo a bobedi mo lefatsheng lotlhe.

  • 42

    Go na le batho ba ba fetang dimilione di le 50 mo Aforika Borwa. Re bua dipuo tse di farologaneng. Re na le dingwao tse di farologaneng. Re ja dijo tse di farologaneng. Re rapela ka ditsela tse di farologaneng. Re batho ba mebala e e farologaneng. Mme mongwe le mongwe wa rona ke karolo e e botlhokwa ya setšhaba sa rona sa mola wa godimo. Re tshwanetse go sireletsana le go tlhokomelana, ka gonne rotlhe re Ba-Aforika Borwa. Mme Aforika Borwa ke ya rona rotlhe.

  • 43

    Aforika Borwa wa rona

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Ke mang yo o nnileng poresidente wa Aforika Borwa ka 1994?

    2. Ke eng se se kgethegileng ka folaga ya Aforika Borwa?

    3. Nyalanya madi a pampiri ka fa molemeng le diphologolo ka fa mojeng:

    a) R10 c tloub) R20 c nkwec) R50 c nared) R100 c tshukudue) R200 c tau

    4. Setlhopha sa diphologolo mo mading a rona a pampiri se bidiwang eng?

    5. Baya sefapaano (X) fa thoko ga dipolelo tse e leng maaka le letshwao () fa thoko ga dipolelo tse di leng boammaaruri.

    a) Setlhopha sa Aforika Borwa sa rekebii se bidiwa ‘the Proteas’.

    b) Baeng ba le bantsi ba etela dirapa tsa diphologolo tsa Aforika Borwa.

    c) Aforika Borwa e na le diphororo tse di kwa godimo go di gaisa mo lefatsheng.

    d) Bontšhwe le diphenkwine ga di kgone go fofa.

  • 44

    6. Kwalolola dipolelo tse e leng maaka tse di fa godimo go di dira boammaaruri.

    7. Phologolo, nonyane le tlhapi tsa bosetšhaba tsa Aforika Borwa ke __________.

    a) tlou, mogolodi le šakab) tau, ntšhwe le galjoenc) tshepe, mogolodi le galjoen

    d) tshepe, phenkwine le leruarua

    8. Umaka mawatle a mabedi a a kgomang Aforika Borwa.

    B. Go dirisa puo

    DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 97, 117, 120

    1. Tsenya matlhaodi a a tlogetsweng mo dipolelong tseno. Dirisa kgang go go thusa.

    a) Tlou ke phologolo e __________ mo lefatsheng.

    b) Thutlwa ke phologolo e __________ mo lefatsheng.

    c) Lengau ke phologolo e e __________ mo lefatsheng.

    d) Tolofine ke phologolo e e __________ ya lewatle.

    e) Šaka ke phologolo ya lewatle e e __________.

    2. Jaanong kwala gape nngwe le nngwe ya dipolelo tse di fa godimo mo bontsing.

    C. A re kwaleng

    DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 5, 51, 105

    Dira le tsala ya gago lo dire papatso go dira gore batho ba etele Aforika Borwa.

    DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 113

  • Uthotho lweencwadana zebanga loMgangatho osisiSeko

    Ipapashwe 2014 ngabakwa-Molteno Institute for Language and Literacy

    Ixhaswe yi-Zenex Foundation

    Ibanga lesi-3 Incwadana 1A n Umhleli wothotho: Jenny Katzn Abaqambi bamabali: Mirna Lawrence noJenny Katzn Imibuzo emva kokufunda nemisebenzi: Jenny Katzn Incutshe kulwimi isiXhosa: Nolitha Bikitshan Umhleli wolwimi isiXhosa: N. Gxowa-Dlayedwa, University of

    the Western Cape, Linguistics Departmentn Abazekelisi: Rob Owen - 1. Iyandilibazisa le kawusi, 2. Kutheni na enje?

    Sandy Lightley - 3. Iqhekeza lokugqibela, 4. Limdaka eli gumbi!n Uyilo nongqaleko: Resolution noihwhiteDesign

    © 2014 Molteno Institute for Language and Literacy

    ISBN 978-77580-237-2

    IBANGA lesi-3

    Incwadana 1A

    Isiqulatho

    1. Iyandilibazisa le kawusi ................................... 1

    2. Kutheni na enje? ............................................... 11

    3. Iqhekeza lokugqibela ....................................... 21

    4. Limdaka eli gumbi! ........................................... 31

    Creative Commons Attribution-NonCommercial-NoDerivatives (CC BY-NC-ND) 4.0 International Licence

    Disclaimer: You are free to download and share this work as long as you attribute the Molteno Institute for Language and Literacy, but you may not change this work in any way or use it commercially.

    Xhosa 1A.indd 4-5 2015/10/19 12:35 PM

  •        Buka 4B       Buka 4B

    MOPHATO 3 SETSWANAISBN: 978-1-77580-235-8

    MOPHATO 3

    1.  Dikeletso tse tharo 2.  Batsoma diphologolo

    4. Aforika Borwa wa rona3.  Tau le peba

     BUKA 1A   BUKA 1B1. Selae sa bofelo sa kuku2. Ntate o tlhokometse lesea3. O tlile go dirang jaanong?4. Tobekano e kana!

    1. Kausu e e latlhegileng2. Melekorone3. Go aba go monate4. Setshwantsho sa popego

        BUKA 2A    BUKA 2B1. Ke leotwana la ga mang le?2. Neo o kae?3. Black-mampatile4. Kganetsano fa gare ga phefo le letsatsi

    1. Thusa!2. Sephiri3. Segwete se segolo4. Ke ipaakanyeditse leeto

          BUKA 3A      BUKA 3B1. Ao, Rre Kgabo!2. Go reetsa mmino 3. Re baka dikuku le nkoko4. Bosigo mo polasing

    1. Ke mang yo o thubileng fensetere?2. Lesedi o ya lebenkeleng3. Sopo ya maje4. Go nna eng fano?

            BUKA 4A         BUKA 4B1. Mmutla le Khudu2. Toropo ya rona3. Tshoswane le tsiekgope4. Ke leino la ga mang le?

    1.  Dikeletso tse tharo2.  Batsoma diphologolo3.  Tau le peba4.  Aforika Borwa wa rona

    (le Bukana ya Dikarabo tsa Sekao)

    Dibuka tsa go ithuta go buisa mo kgatong eno di na le ditsebe tse di oketsegileng, mokwalo o o oketsegileng mo tsebeng nngwe le nngwe, dipolelo tse di telelenyana, pharologano e kgolwane ya dipaterone tsa dipolelo, puo ya semmuso le puotlhalosi, mmogo le tlotlofoko e kgolwane. Go buisa e nna selo se se itiragalelang fela jaanong, ka boikaelelo jwa go tlhaloganya mo boemong jwa go bitsa mafoko fela /go a peleta fa barutwana ba le gaufi le go buisa ka bobone. Dibuka tseno tsa go ithuta go buisa di ba naya ditshono tsa go buisa ba le setlhopha, ba kaelwa, ka bobedi le bobedi le ka bongwe ka bongwe.

    SETSWANA

    Dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato 3 tsa Vula Bula di katisetsa bana go ithuta go buisa ka thelelo ba sa le bannye. Buka nngwe le nngwe e na le ditlhamane di le nne tse di farologaneng, go akaretsa le mokwalo ka dilo tsa mmatota. Pele ga tlhamane nngwe le nngwe, go na le lenaane la mareo a tlotlofoko le lenaane la mafoko a go leng ‘thata go a buisa’ a go lebeletsweng gore barutwana ba a kgone. Tlhamane nngwe le nngwe e latelwa ke dipotso di le mmalwa tsa tekotlhaloganyo, le ditirwana tsa puo le tsa a re kwaleng tse di golagantsweng le CAPS le Dibukatiro tsa Mophato 3 tsa DBE.

    Tswana-4B.indd 2-3 2015/10/19 12:22 PM