BUKA YA GA MOMONE - The Church of Jesus Christ of Latter ... · PDF filelwa re sena selabe fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Keresete, mme re tlaa nna le ene ka bosakhutleng mo magodimong

Embed Size (px)

Citation preview

  • BUKA YA GA

    MOMONE BOSUPI JO BONGWE

    KA GA JESU KERESETE

  • Bukaya ga

    MomoneBOSUPI JO

    BONGWE

    KA GA

    JESU KERESETE

  • Tetla ya go kopolola 2003 Intellectual Reserve, Inc.

    Ditetla tsotlhe di beilwe E gatisitswemo United States of America

    19962003

    Translation of the Book of MormonTswana

    ISBN 978-1-59297-584-6 Softcover (35607 763)

    3/2010

  • Buka ya ga MomonePEGO E E KWADILWENG KA

    SEATLA SA GA MOMONE

    MO DIPAPETLANENG

    E TSERWE MO DIPAPETLANENG TSA GA NIFAE

    Ka jalo he, ke khutshwafatso ya pego e e kwadilweng ya bathoba ga Nifae, ga mmogo le ya BaleimeneE kwaletswe Baleimene,ba e leng masalela a ntlo ya Iseraele; ga mmogo le Bajuta leBadithabaE kwadilwe ka mokgwa wa taelo, le gape ka mowawa seporofiti le wa tshenoloE kwadilwe e bile e kannwe, mmeya fitlhwa go Morena, gore e sere kgotsa tsa senngwaGo tla etswa ka mpho le thata ya Modimo go thanolo ya yoneE kannweka seatla sa ga Moronae, mme ya fitlhwa go Morena, go tla pelemo nakong e e tlang, ka tsela ya ModithabaThanolo ya yone kampho ya Modimo.

    Khutshwafatso e tserwe mo Bukeng ya ga Ethere gape, e e lengpego e e kwadilweng ya batho ba ga Jarete, ba ba neng ba phatlala-diwa ka nako e Morena o neng a tlhakatlhakanya puo ya batho, faba ne ba aga kago e e godileng go ya kwa legodimongE le gobontsha go masalela a ntlo ya Iseraele dilo tse dikgolo tse Morenao di diretseng borraabo; le gore ba tle ba itse dikgolagano tsaMorena, gore ga ba a latlhelwa ruriLe gape go sokolola Bajutale Badithaba gore Jesu ke Keresete, Modimo wa Bosakhutleng,a itshupa go dithaba tsotlheMme jaanong, fa go le diphoso kediphoso tsa batho; ka jalo he, se kgaleng dilo tsa Modimo, gore lofitlhelwe lo sena selabe kwa setilong sa katlholo sa ga Keresete.

    Thanolelo ya ntlha mo Sekgoeng go tswa dipapetlanengka Joseph Smith, Jun.

    Seemo le palo yotlhe ya dibuka tsa ntlha go gatisiwa le goanamisiwa ka Sekgoa ko Palmyra, New York, USA ka 1830

    Kgatiso le kanamiso kaKereke ya ga Jesu Keresete ya Baitshephi

    ba Malatsi a BofeloSalt Lake City, Utah, USA

  • v

    KETAPELE

    Buka ya ga Momone ke buka ya lefoko la Modimo le le boitshe-pho go tshwana le Baebele. Ke pego e e kwadilweng ya ditiri-sanyo tsa Modimo le banni ba bogologolo ba Amerika mme e na lebotlalo jwa efangele e e senang bokhutlo.

    Buka e kwadilwe ke baporofiti ba le bantsi ba bogologolo kamowa wa seporofiti le tshenolo. Mafoko a bone, a a kwadilwengmo dipapetlaneng tsa gauta, a tsewa jaaka a ntse a ba a khutshwa-fadiwa ke moporofiti le moitse-wa-ditso a bidiwa Momone. Pego ee kwadilweng e fa pego ka ga ditlhabologo tse dikgolo tse pedi.Nngwe e dule kwa Jerusalema ka ngwaga wa makgolo a marataropele ga ga Keresete (600 b.c.), mme morago ya kgaogana ka ditha-ba tse pedi, tse di itseweng e le Banifae le Baleimene. E nngwe etlile pele thata fa Morena a tlhakatlhakanya diteme kwa Kagong ee Godileng ya Beibele. Setlhopha se, se itsewe e le Bajarete. Mora-go ga dikete tsa dingwaga, botlhe ba ne ba nyelediwa, kwa ntle gaBaleimene, mme ke borraagwemogologolwane ba Baindia baAmerika.

    Tiragalo ya konokono e e kwadilweng mo Bukeng ya ga Momo-ne ke tirelo ya Morena Jesu Keresete ka sebele gareng ga Banifaemorago fela ga tsogo ya gagwe. E baya pele dithuto tsa efangele, etlhalosa thulaganyo ya poloko, mme e bolelela batho se ba tshwa-netseng ba se dira go bona kagiso mo botshelong jono le poloko yabosakhutleng mo botshelong jo bo tlang.

    Morago ga Momone a sena go fetsa mekwalo ya gagwe, o ne anaya pego go morwawe Moronae, yo a neng a latlhela mafoko a sekae a gagwe, mme, a fitlha dipapetlana kwa lentsweng la Khamora.Ka Lwetse a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, kangwaga wa 1823, Moronae ene yoo, jaanong e le motshedi yo ogalaleditsweng yo o tsositsweng, a bonala kwa go Moporofiti JosephSmith mme a mo laela ka ga pego e e kwadilweng ya bogologolotala le maikaelelo a go e ranolela mo puong ya Sekgowa.

    Mo nakong e e tshwanetseng, dipapetlana di ne tsa tlisiwa kwago Joseph Smith, yo o neng a di ranola ka mpho le thata yaModimo. Pego e e kwadilweng jaanong e gatisitswe le go anamisi-wa ka dipuo di le dintsi, e le bosupi jo bosha jo bo tlaletsang goreJesu Keresete ke Morwa Modimo o o tshelang le gore botlhe ba batlaa tlang kwa go ene mme ba obamela melao le ditlhomo tsaefangele ya gagwe ba ka bolokwa.

    Mabapi le pego e e kwadilweng e, Moporofiti Joseph Smith o nea re: Ke boleletse bakaulengwe gore Buka ya ga Momone e ne e leya nnete thata mo go epe buka mo lefatsheng, mme ke pinagare ya

  • vi

    tumelo ya rona, mme motho o ka atamela go Modimo ka go saladithuto tsa yone morago, go na le ka epe buka e nngwe.

    Mo godimo ga ga Joseph Smith, Morena o ne a dira gore babangwe ba le lesome le motso ba iponele dipapetlana tsa gauta legore ba tle ba nne basupi ba ba kgethegileng ba boammaaruri lebomodimo jwa Buka ya ga Momone. Bopaki jwa bone jo bo kwadi-lweng bo akareditswe mo e le Bopaki jwa Basupi ba Bararo leBopaki jwa Basupi ba ba Borobabobedi.

    Re laletsa batho botlhe gongwe le gongwe go bala Buka ya gaMomone le go akanya ka boteng molaetsa o o mo go yone modipelong tsa bone, mme jaanong foo go botsa Modimo, Rara waBosakhutleng, mo leineng la ga Keresete, fa buka e e le boammaa-ruri. Bao ba ba salang tsela e morago, mme ba botsa ka tumelo batlaa amogela bopaki jwa boammaaruri le bomodimo jwa yone, kathata ya Mowa o o Boitshepho. (Bona Moronae 10:35.)

    Bao ba ba amogelang bosupi jo, jwa semodimo go tswa go Mowa oo Boitshepho ba tlaa tla go itse gape ka thata ya Mowa o o Boitshe-pho gore Jesu Keresete ke Mmoloki wa lefatshe, le gore JosephSmith ke mosenodi le moporofiti wa gagwe mo malatsing a abofelo, le gore Kereke ya ga Jesu Keresete ya Baitshephi ba Malatsia Bofelo ke motse wa bogosi jwa Morena gangwe gape o tlhomi-lwe mo lefatsheng, go baakanyetsa go tla ga bobedi ga ga Mesia.

  • vii

    BOPAKI JWA BASUPI BA BA BARARO

    A go itsewe go dithaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho ba go bonetiro e e tlaa tlang: Gore rona, ka matlhogonolo a Modimo Rara, leMorena wa rona Jesu Keresete, re bone dipapetlana tse di nang lepego e e kwadilweng e, e e leng pego e e kwadilweng ya batho baga Nifae, ga mmogo le ya Baleimene, bakaulengwe ba bone, gammogo le ya batho ba ga Jarete, ba ba duleng kwa kagong e egodileng e ka ga yone go builweng. Gape re itse gore di ranotsweka mpho le thata ya Modimo, gonne lentswe la gagwe le e begilego rona; ka jalo he, re itse ka tlhomamiso gore tiro e ke boammaa-ruri. Mme gape re paka gore re bone megabo e e mo dipapetla-neng; mme re di bontshitswe ka thata ya Modimo, mme e seng yamotho. Mme re bega ka mafoko a tlhoafalo, gore moengele waModimo o fologile go tswa kwa legodimong, mme a tlisa mme abaya fa pele ga matlho a rona, gore re ne ra leba mme ra bonadipapetlana, le megabo e e mo go tsone; mme re itse gore ke kamatlhogonolo a Modimo Rara, le Morena wa rona Jesu Keresete,re neng ra bona e bile re naya bosupi gore dilo tse, ke boammaaru-ri. Mme go a gakgamatsa mo matlhong a rona. Le fa go ntse jalo,lentswe la Morena le re laetse gore re tshwanetse re nee bosupi jayone; ka jalo he, go obamela ditaelo tsa Modimo, re naya bopakijwa dilo tse. Mme re itse gore fa re na le tumelo mo go Keresete, retlaa tlosa diaparo tsa rona madi a batho botlhe, mme re tlaa fitlhe-lwa re sena selabe fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Keresete, mmere tlaa nna le ene ka bosakhutleng mo magodimong. Mme tlotlo enne go Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho, e leng Modimo ole mongwe. Amene.

    Oliver CowderyDavid WhitmerMartin Harris

  • viii

    BOPAKI JWA BASUPI BA BA BOROBABOBEDI

    A go itsewe go dithaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho, ba go bonetiro e e tlaa tlang: Gore Joseph Smith yo Mmotlana, moranodi watiro e, o re bontshitse dipapetlana tse ka tsone go builweng, tse dinang le tebego ya gauta; mme bontsi jotlhe fela jwa matlhare jaakaSmith yo o bolelwang a ne a a ranola re ne ra a tshwara ka diatlatsa rona; mme gape ra bona megabo mo go one, yotlhe e e nang letebego ya tiro ya bogologolo tala, le modiro wa matsetseleko.Mme se re naya bosupi ka mafoko a tlhoafalo, gore Smith yo obolelwang o re bontshitse, gonne re bone le go tsholetsa, e bile reitse ka tlhomamiso gore Smith yo o bolelwang o tshotse dipapetla-na tse re buileng ka ga tsone. Mme re fa maina a rona go lefatshego supa go lefatshe seo se re se bonyeng. Mme ga re ake, Modimoa naya bosupi jwa sone.

    Christian Whitmer Hiram PageJacob Whitmer Joseph Smith, Sen.Peter Whitmer, Jun. Hyrum SmithJohn Whitmer Samuel H. Smith

  • ix

    BOPAKI JWA GA MOPOROFITI JOSEPH SMITH

    Mafoko a ga Moporofiti Joseph Smith ka sebele ka ga go tla pele gaBuka ya ga Momone ke:

    Ka letlatlana la . . .Lwetse a tlhola masome a mabedi le motso[1823] . . .Ke ne ka ipaya ka thapelo le topo fa pele ga ModimoMothatayotlhe. . . .

    Fa ke ntse ke le mo tirong ya go bitsa Modimo, ke ne ka bonalesedi le tlhagelela mo phaposing ya me, le le neng la tswelela gooketsega go fitlhelela phaposi e le lesedi go gaisa ka setlhoboloko, faka bonako go bonala motho fa tlhakoreng la bolao jwa me, a eme mophefong, gonne maoto a gagwe a ne a sa kgoma bodilo.

    O ne a apere purapura e e bosweu jo bontle jo bogolo. E ne e lebosweu go feta sepe sa lefatshe se ke kileng ka se bona; le e seng gore kedumela gore selo sepe sa lefatshe se ka dirwa go lebege se le bosweujo bo feteletseng jaana le kgalalelo. Diatla tsa gagwe di ne di sa apara,le matsogo a gagwe gape, go tswa go se kae fa godimo ga ditokololotsa diatla; jalo, gape, dinao tsa gagwe di ne di sa apeswa sepe, felajaaka maoto a gagwe, go tloga go se kae fa godimo ga manyenana.Tlhogo le molala wa gagwe le tsone di ne di sa apeswa sepe. Ke ne kalemoga fa a ne a sa apara seaparo sepe gape fa e se purapura e, ka e nee bulegile, mo ke neng ke kgona go bona sehuba sa gagwe.

    E ne e se