36
SETSWANA Kgang 1 Kgang 2 Kgang 3 Kgang 4 Buka e Tona 7

Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

  • Upload
    others

  • View
    14

  • Download
    0

Embed Size (px)

Citation preview

Page 1: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

SETSWANA

Kgang 1 Kgang 2

Kgang 3 Kgang 4

Buka e Tona 7

Page 2: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

Dibuka tse Ditona tsa Mophato wa Motheo

E phatlaladitswe ke Molteno Institute for Language and Literacy ka 2015

E duetswe ke Zenex Foundation

Buka e Tona 7■ Motlhagisi wa motseletsele: Jenny Katz■ Batlhami ba ditlhamane: Mirna Lawrence le Jenny Katz■ Mankge wa puo ya Setswana: Peter Mekgwe■ Mogakolodi wa Setswana: Johanna Mogodiri■ Batshwantshi: Sandy Campbell - 1. Go bolokela ka moso,

4. Lebelo le legolo, Vusi Malindi - 2. Dikeletso tse tharo,Shayle Bester - 3. Sopo ya leje

■ Boalo le thulaganyokgabo: Resolution

© 2015 ke ya Molteno Institute for Language and Literacy

ISBN 978-1-77580-547-2

Diteng

1. Go bolokela ka moso .................................1

2. Dikeletso tse tharo .....................................9

3. Sopo ya leje .............................................17

4. Lebelo le legolo........................................25

Creative Commons Attribution-NonCommercial-NoDerivatives (CCBY-NC-ND) 4.0 International Licence

Disclaimer: You are free to download andshare this work as long as you attribute theMolteno Institute for Language and Literacy,but you may not change this work in any wayor use it commercially.

Buka e Tona 7

Page 3: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

1

1 Go bolokelaka moso

PELE O BUISA KGANG

Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko anotsiekgope, mfapha, serunya, seolo, diberi, menopi, serai,sentlhaga, ditshenekegi

E theilwe mo leinaneng la ga Aesop

Page 4: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

2

Go bapa le mfapha wa thaba, go ne go nna nonyane, serunya, segokgo,tshoswane e nnye e e dirang ka natla le tsiekgope e e ratang menate.

Ka nako ya malatsi a maleele a selemo, tshoswane e ne e dira ka natla,e rwala peo le go kgabaganya lebaka lotlhe e e isa kwa teng ga seolosa yone.

Tsiekgope e ne ya dirisa selemo sa yone e palama le go fologa thaba e ntse e bina-bina, e opela dipina le go ijesa monate.

Page 5: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

3

Letsatsi lengwe nonyane e ne ya bona tshoswane e dira ka natla. ‘O dira eng, tshoswane?’ ya botsa jalo.

‘Ke kokoanya peo gore fa mariga a tla ke bo ke na le dijo tse dilekaneng,’ tshoswane ya rialo.

Nonyane e ne ya bona seo e le mogopolo o montle tota, mme ya tswa ya fofa e ya go kokoanya peo le diberi go di bolokela mariga.

Tsiekgope ya tshega fa e bona tshoswane le nonyane di dira ka natla jaloka malatsi ao a a monate a a bothitho a selemo. Ya palama le go fologathaba e ntse e bina-bina, e opela dipina le go ijesa monate.

Page 6: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

4

Letsatsi le le latelang serunya sa bona tshoswane e dira ka thata. ‘O dira eng, tshoswane?’ ya botsa jalo.

‘Ke kokoanya peo gore fa mariga a tla ke bo ke na le dijo tse dilekaneng,’ tshoswane ya araba jalo.

Serunya se ne sa bona seo e le mogopolo o montle tota, mme sa epelakwa teng mo mmung go batla menopi go e bolokela mariga.

Tsiekgope ya tshega fa e bona tshoswane le serunya di dira ka natlajalo ka malatsi ao a a monate a a bothitho a selemo. Ya palama le gofologa thaba e ntse e bina-bina, e opela dipina le go ijesa monate.

Page 7: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

5

Morago ga moo segokgo sa bona tshoswane e dira ka thata. ‘O dira eng, tshoswane?’ sa botsa.

‘Ke kokoanya peo gore fa mariga a tla ke bo ke na le dijo tse dilekaneng,’ tshoswane ya araba jalo.

Segokgo se ne sa bona seo e le mogopolo o montle tota, mme sa tswasa ya go loga bobi jo bo nonofileng jo bo ša gore e nne serai saditshenekegi gore se di bolokele mariga.

Tsiekgope ya tshega fa e bona tshoswane le segokgo di dira ka natla momalatsing ao a a monate a a bothitho a selemo. Ya palama le go fologathaba e ntse e binabina, e opela dipina le go ijesa monate.

Page 8: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

Tsiekgope e ne ya bona seo ele mogopolo o o lapisang.

‘Go dira ka natla jalo ke gosenya nako mo boemong jwago bina le go tshameka,’ yaakanya jalo.

Ya tswa ya tsamaya e ntse etlola, e opelela kwa godimothata.

6

Tsiekgope e ne e tshwaragane lego ikatisetsa pina e ntšha le gobina fa e ne e bona tshoswane esantse e dira ka natla.

‘Goreng o dira ka natla letsatsilotlhe jaana o sa fetse, tshoswane?Itumelele selemo! Tlaya o tle goijesa monate le nna,’ tsiekgope yabua jalo.

‘Le fa gone ke batla go ijesamonate le wena, ga ke kgone,’tshoswane ya rialo. ‘Go ise go yekae mariga a tla bo a gorogilemme ke batla go boloka peo gonejaanong gore fa mariga a gorogake bo ke na le dijo tse di lekaneng.’

Page 9: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

7

Go ise go ye kae mariga a a tsididi a goroga. Bojang jwa fetoga jwa nnabophifadu mme ga foka mowa o tsididi tota go dikologa thaba.

Nonyane e ne e ntse monate go le bothito mo teng ga sentlhaga, e jadipeo le diberi tse e neng e di bolokile. Serunya se ne se itumetse mo tengga mosima o o bothito, se ja menopi e se neng se e bolokile. Segokgo sene se itumetse mo bobing jwa sone jwa sei, se ja ditshenekegi tse se nengse di bolokile. Tshoswane e ne e itumetse mo teng ga seolo sa yone se sebothitho, e ja peo eo e e bolokileng.

Mme tsiekgope e ne e sena dijo gotlhelele. Mmu o ne o le thata go sa golesepe mo go one.

Morago ga lobakanyana ya simolola go tshwarwa ke tlala.

Page 10: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

8

Tsiekgope ya gopola dijo tsotlhe tse tshoswane e di boloketseng mariga.Ka jalo ya ya kwa seolong mme ya bitsa tshoswane.

‘Ke kopa o je dijo tsa gago le nna, tshoswane. Ke tshwerwe ke tlala tota,’ya kopa jalo e lela.

‘O ne o tshwanetse go bo o ile wa akanya ka seo pele. Fa ke ne ke dira kanatla selemo sotlhe ke bolokela mariga dijo, o ne o opela e bile bina-binale go tshameka,’ tshoswane ya bua jalo e galefile. ‘A ga o ise o itse go tlago fitlha jaanong gore go na le nako ya go dira le ya go tshameka?’

Tsiekgope e ne e itse gore tshoswane e ne e bua boammaaruri.

‘Ke kopa maitshwarelo, tshoswane. Ke tla dira ka natla mo selemong se setlang gore ke bolokele mariga dijo, e bile ke tla go thusa. Mme le wena otla nna le nako ya go ikhutsa le go tshameka,’ ya solofetsa jalo.

Ka jalo tshoswane ya dumela go ja le ene. Mme tsiekgope ya duelatshoswane ka go e binela le go e opelela go fitlha mariga a a tsididi a fela.

Page 11: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

9

2 Dikeletso tse tharo

PELE O BUISA KGANG

Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko anomokgoro, tshoganyetso, gwasa, maselamose, bogagaru,garoga pelo, ikwatlhaya

E theilwe mo tlhamaneng ya Sejeremane

Page 12: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

10

Go kile ga bo go le morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ba nna mo teng ga mokgoro o monnye gaufi le sekgwa.

Letsatsi lengwe morema-ditlhare o ne a le mo sekgweng a rema ditlharefa a ne a kopana le setlhare se sentle se se neng se sa tlwaelega. A tsholetsa selepe go rema legong le lentle.

Ka tshoganyetso, matlhare a setlhare a simolola go gwasa ka modumo o o kwa godimo, mme ga tswa lentswe le le kwa godimo le le satlwaelegang le goa le re, ‘Tsweetswee o se kwa wa rema setlhare seno!’

Morema-ditlhare o ne a maketse. ‘Ke mang yo o buang?’ a botsa atshogile.

‘Ke nna, mowa wa setlhare. Setlhare seno ke sa maselamose. Fa o sa se reme, ke tla go leboga ka dikeletso tse tharo,’ lentswe la rialo.

A maketse e bile a gakgametse, morema-ditlhare a dumela mme a tswa a ya go batla setlhare se sengwe gore a se reme.

Page 13: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

11

Mo maitseboeng ao morema-ditlhare a boela gae mme a fitlhela mosadiwa gagwe a apeile dijo tsa maitseboa. A mmolelela se se diragetseng kwasekgweng le se mowa wa setlhare sa maselamose o se buileng.

‘Dikeletso tse tharo!’ a bua jalo ka boitumelo. ‘Re ka eletsa eng? Madi atshipi a gauta? Gongwe ntlo e ntšha? Kgotsa diaparo tse dintšha? Ao tlhemonna wa me, re tshwanetse go akanyetsa seno ka kelotlhoko thata. Rese ka ra nna bonako kgotsa go nna bogagaru. Go botlhokwa gore redirise dikeletso tseno tse tharo ka botlhale le ka tsela e e siameng.’

Page 14: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

12

Dijo tsa maitseboa di ne tsa siama ka bonako. Mosadi a naya morema-ditlhare borotho le mageu.

‘Mmm, borotho jo bo monate,’ a rialo. ‘Ke eletsa e kete ke ka bo ke na leboroso e kgolo e e mafura, e e monate gore ke bo je ka yone.’

E ne ya re a ise a fetse go bua, boroso e kgolo, e e mafura ya tlhaga katshoganyetso mme ya wela fa gare ga tafole!

Page 15: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

13

Morema-ditlhare o ne a garoga pelo ka ntlha ya se a se dirileng. Mosadiwa gagwe o ne a tshogile. ‘Hei seeleele ke wena! O fetsa go senya kanngwe ya dikeletso tsa rona tse di botlhokwa!’ a omanya morema-ditlhare.

‘Ke phoso. Tlogela go nkomanya!’ morema-ditlhare a rialo, a ithibileditsebe ka diatla.

Mme mosadi wa gagwe a se ka a tlogela go mo omanya. A nna a moomanya, a mo raya a re o sentse keletso ka boroso e kgolo e e mafura,mme go na le dilo tse dingwe tse dintsi thata tse ba di tlhokang.

A se ka a emisa go mo omanya le go ngongorega, go fitlha morema-ditlhare a sa tlhole a kgona go itshoka. ‘Go lekane, mosadi ke wena!Didimala! Ke eletsa e kete boroso e kgolo eo e ka bo e kgomaretsesefatlhego seo sa gago se segolo!’ a goa jalo.

E ne ya re a ise a fetse go bua, boroso ya tlola go tswa mo tafoleng yakgomarela mo sefatlhego sa mosadi wa gagwe!

Page 16: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

14

Dikeledi di ne di elela mo matlhong a mosadi e bile di rothela mo godimoga boroso. ‘Ke ka se tswele kwa ntle ke ntse jaana! Ga ke batle go bonwake ntse jaana! Ke tla dirang tota?’ a lela.

‘Bona gore o dirileng jaanong!’ a lela. ‘Ga o a senya ka keletso ya ronaya bobedi fela, mme jaanong nko ya me e fetogile boroso e kgolo e e momafura! Nthuse go e tlosa mo sefatlhegong sa me!’

Morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ba goga boroso thata ka moo baneng ba ka kgona ka gone, mme boroso e ne e kgomaretse thata e sasute le go suta.

Page 17: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

15

Morema-ditlhare a akanya ka dilo tsotlhe tse dintsi tse a neng a ka dieletsa, jaaka beke e kgolo e e nang le madi a tshipi a gauta kgotsa ntloe ntle. Morago ga moo a leba mosadinyana wa gagwe yo nko ya gagwee neng e le boroso e kgolo e e mafura, e bile o ne a itse gore go ne gona le selo se le sengwe fela se a neng a ka se dira ka keletso ya boraroya bofelo.

‘Ke eletsa e kete boroso e ka boela mo tafoleng,’ a buela jalo kwa tlase.

E ne ya re a ise a fetse go bua, boroso ya tlola go tswa mo sefatlhegongsa mosadi wa gagwe mme ya fofa mo moweng ya kotama ka bonolo mogodimo ga tafole.

Page 18: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

16

Mo maitseboeng ao, morema-ditlhare le mosadi wa gagwe ba ja dijo tsamaitseboa tsa borotho jo bo monate, mageu le boroso e e mafura. Mmeba tshela ka boitumelo morago ga moo.

Page 19: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

17

3 Sopo ya lejeE theilwe mo tlhamaneng ya kwa Yuropa

PELE O BUISA KGANG

Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko anomokgoro, kutu, letsopa, kakanyo, leano, rwalela dikgong,baya mo leisong, phufudi, hupa, kgabetlelela, tatso,moutlwalo, mokgele, ikokotlela

Page 20: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

18

Bogologolo tala, motsamai mongwe o ne a tla mo motsaneng mongwe.O ne a sena dijo mme a tshwerwe ke tlala tota. Motsamai o ne atsamaya mokgoro le mokgoro a kopa dijo. Mme batho ba motse ba neba humanegile thata, mme ba bolelela motsamai gore ga ba na dijo tsedi ba lekaneng. Motsamai a tswa a tsamaya a ipotsa gore o tla dire eng.

Ka fa ntle ga motse, motsamai a bona kutu e kgolo ya setlhare mme a nnamo go yone gore a akanye. A bona pitsa e kgolo ya letsopa e letse mogodimo ga bojang gaufi le ene. E ne ya mo naya kakanyo. Motsamai e nee le monna yo o botlhale, mme go ise go ye kae ke fa a na le leano.

Page 21: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

19

Motsamai a rwalela dikgong mme a di besa. Morago ga moo a baya pitsamo leisong mme a e tlatsa ka metsi a a phepa a a tswang mo nokeng. Faa sa ntse a letetse metsi go bela, a ya go sela maje a magolo a a borethe.A tlhatswa maje gore a nne phepa mme a a tsenya mo teng ga metsi.

Go ise go ye kae ke fa go bonala phufudi ya go bela ga metsi e tlhatlogago tswa mo go one.

Page 22: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

20

Ga tla mosadi mongwe ka tsela eo a pepile ngwana. Fa a bona phufudia tla go leba gore gore motsamai o apeile eng.

Motsamai a fudua metsi mo pitseng mme a a hupa go sekae.

‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke tla itumelela go e ja lewena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

‘Ke na le digwete tse o ka di tsenyang mo go yone,’ mosadi a rialo, a gakaletse go utlwa tatso ya sopo.

Motsamai a segelela digwete mme a di tsenya mo pitseng ya metsi a a belang.

Page 23: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

21

Moragonyana, ga tla mosadimogolo a ikokotlela ka tsela eo. Le ene a bona phufudi mme a tla go bona gore motsamai o apeile eng.

Motsamai a fudua metsi mo pitseng, mme a a hupa go sekae.

‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke ka itumelela go e ja le wena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

‘Ke tla ga naya dieie di sekae,’ mosadimogolo a rialo, a gakaletse goutlwa tatso ya sopo.

Motsamai a kgabetlelela dieie mme a di tsenya mo pitseng ya metsi a a belang.

Page 24: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

22

Mme ga tla mosetsanyana ka tsela eo a ntse a tlolatlola. A bona molelo lepitsa e e ntshang phufudi mme a tla go bona gore motsamai o apeile eng.

Motsamai a fudua metsi mo pitseng, mme a a hupa go sekae.

‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke ka itumelela go e ja lewena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

‘Ke na le ditapole mo teng ga seroto sa me. Ke tla go naya di le mmalwa,’mosetsanyana a rialo, a gakaletse go utlwa tatso ya sopo.

Motsamai a segelela ditapole mme a di tsenya mo pitseng ya metsi a a belang.

Page 25: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

23

Ka yone nako eo ga tla modisa a kgweetsa dipodi ka tsela eo. A bonabatho botlhe le phufudi e tlhatloga go tswa mo pitseng, mme a tla go bona gore motsamai o apeile eng.

Motsamai a fudua metsi mo pitseng, mme a a hupa go sekae.

‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke ka itumelela go e ja lewena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

‘Ke go tshwaretse nama, le letswainyana,’ modisa a rialo, a gakaletse goutlwa tatso ya sopo.

Modisa a kgatsha letswai mo pitseng, mme motsamai a tsenya nama. A fudua metsi a a belang ka lobakanyana, a jaanong e neng e le sopo e e monate tota. Monko o o monate wa yone wa simolola go foka mo moweng.

Page 26: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

24

La bofelo motsamai a re, ‘Sopo ya me ya maje e budule.’ Mme a tsholelabatho botlhe ba motse sopo.

‘Mmmm, ke sopo e e monate go di gaisa tsotlhe e re kileng ra utlwa tatsoya yone! Re ne re sa itse gore o kgona go dira sopo e e monate jaana kamaje!’ batho ba motse ba raya motsamai jalo.

Motsamai a nyenya ka tidimalo, mme a nwa sopo ya gagwe.

A tota o ka kgona go dira sopo ka maje? Ke eng se tota se dirileng gore sopo e nne le tatso e e monate?

Page 27: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

25

4 Lebelo le legolo

PELE O BUISA KGANGTlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko anoikgantsha, bonya, gogoba, o tala, ja ditshego, bogela, yo o sebete, dudueletsa, anaanela, natla

E theilwe mo leinaneng la ga Aesop

Page 28: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

26

Go kile ga bo go le mmutla o rata go tlhola o ikgantsha ka gore o lebelo.Fa o sa ikgantshe, o ne o rumola diphologolo le go tshega ka tsone.

‘O mokima e bile o bonya, wena Kubu! Mme wena Tlou, o mo tona-tona ebile ga o na lebelo! Wena Thutlwa yo o maoto maleele, o a kgopiwa fa oleka go siana ka lebelo!’

Mme e a neng a e rumola go feta tse dingwe e ne e le Khudu. ‘Ha, ha, ha!A ko o ipone fela, o tsamaya ka iketlo o pepile ntlo, sefatlhego se gogobafa fatshe! Ao khudu ya batho!’ Mmutla wa sotla jalo.

Page 29: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

27

Kubu, Tlou, Thutlwa le Khudu ba ne ba sa rate puo ya a Mmutla. Letsatsilengwe, Khudu ya lapisiwa ke seo.

‘O ithaya gore o mang, Mmutla ke wena?’ a bua jalo a galefile. ‘Ee, o ka tswa ole lebelo mme o tala, Mmutla ke wena. Tlogela go ikgantsha le go re rumola!’

Mme Mmutla wa se ka wa reetsa. Wa mo ja ditshego, mme seno sa galefisaKhudu le go feta.

‘A re le bone lebelo leo la teng, Mmutla ke wena!’ Khudu ya rialo. ‘Ke tlasiana le wena go bona gore go tla fenya mang.’

Mmutla wa se ka wa dumela se o se utlwang. Khudu e e bonya e mo laletsago tla go siana le ene? Go tla bogela yo o sebete!

‘O batla go siana le nna, Khudu?’ Mmutla wa rialo. ‘A re ye koo! Ke tla sianale wena ka moso!’

Mme wa tswa wa betsega, o ntse o sotla.

‘Bathong!’ ga akanya jalo Kubu, Tlou le Thutlwa. Mmutla o ne a le lebelo gogaisa Khudu, mme fa Khudu a sa gape lebelo, Mmutla o tla ikgantsha le goba rumola go feta pele.

Page 30: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

28

Letsatsi le le latelang, Mmutla le Khudu ba ema fa morago ga mola wago simolola. Diphologolo tsotlhe tsa tla go bogela. Khudu e ne e tshogileMmutla one o sa tshoga, o ritibetse fela.

Tlou ya goa, ‘Nngwe, pedi, tharo … SIANANG! ’

Lebelo la simolola!

Page 31: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

29

Mmutla wa siana ka lebelo le legolo ka moo o neng o ka kgona ka gone.Mme morago ga metsotso e le mmalwa, wa fokotsa lebelo.

‘Goreng ke siana ka lebelo jaana? Khudu e bonya thata, e ka se ntshware.Ke ka kgona go ema le go ikhutsa go sekae,’ ya nagana.

Go ise go ye kae, pula ya simolola go na. Mmutla wa rapama ka fa tlasega setlhare gore o se ka wa koloba, mme wa thulamela.

Khudu ya tla e fapanya maoto ka iketlo. E gata e gatoga, e gata e gatoga,e gata e gatoga, e sa eme gore e ikhutse, le fa e le gangwe fela, le fa pulae na tota. Ya feta Mmutla o le fa tlase ga setlhare o robetse e ntse etsamaya ka bonya, mme ya se ka ya ema le fa e ne e lapile.

Page 32: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

30

Morago ga lobakanyana, pula ya ema mme Mmutla wa tsoga. Wa lebaleba gotlhe mme wa se ka wa bona Khudu.

‘Mola o lebelo le felelang mo go one o gaufi, mme Khudu e tshwanetseya bo e sa ntse e le kgakala kwa morago ga me. Ke sa ntse ke ka fenyalebelo leno,’ wa ipolelela jalo, mme wa tswa wa siana ka lebelo le o kakgonang ka lone.

Page 33: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

31

Fa Mmutla o potela ka sekhutlo sa bofelo, wa leba kwa pele. O ne o sadumele se o se bonang. Khudu ke ele, gaufi le mola o lebelo le felelangmo go one!

Mmutla wa sianela kwa moleng o lebelo le felelang mo go one mme gone go setse go le thari. Khudu e ne e fentse! Khudu e ne e siile Mmutla!

Diphologolo tsotlhe tsa dudueletsa Khudu. Kubu, Tlou le Thutlwa tsa jaMmutla ditshego. ‘O ka siiwa jang ke Khudu?’ ba tshega ka ene. ‘Ebonya mo go rona rotlhe. E bile e rwele ntlo ka mokwatla! Mme e kgonnego go sia!’

Page 34: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

3232

Jaanong Mmutla ke one o neng o tla tlhabiwa ke ditlhong. O ne o sa rate go rumolwa. Le e seng.

Khudu ya utlwela Mmutla botlhoko. E ne e itse gore go jewa ditshego le gorumolwa go ntse jang. ‘Re a itse gore o lebelo go re feta, Mmutla,’ ya rialo,‘fela o se ka wa ikgantsha ka gone.’

Mmutla wa ithuta go tswa mo go seno. Go simolola ka letsatsi leo go ya pele wa se ka wa tlhola o ikgantsha ka sepe, le fa e le go tlhola o rumola ope.

Page 35: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande
Page 36: Kgang 3 Kgang 4 - Funda Wande

34978-1-77580-547-2

SETSWANA

Buka e Tona 11. Bala2. Ijoo!3. Robala4. Se dire jalo

Buka e Tona 21. Sia!2. Dipopego3. Tiro go e dira4. Dikologa

Buka e Tona 31. Modumo2. Re a neela3. Seba4. Rre le lesea

Buka e Tona 41. Legae2. Leeto3. Thusa!4. Neo o kae?

Buka e Tona 51. Ke lebidi la ga mang?2. Tabogang lo tikele3. Lelapa mo lebenkeleng4. Leino

Buka e Tona 6 1. Go thuba fensetere!2. Borotho jo bo monate3. Segwete se segolo4. Phefo le letsatsi

Buka e Tona 71. Go bolokela ka moso2. Dikeletso tse tharo3. Sopo ya leje4. Lebelo le legolo

Buka e Tona 81. Tau le peba2. Re baka le Nkoko3. Toropo ya rona4. Aforika Borwa wa rona

Buka e Tona 7

Dibuka tse di Tona ke motswedi o o siameng go e gaisa ya puisokopanelo. Buka e Tonanngwe le nngwe ya Vula Bula e na le dikgang di le nne tse di farologaneng tse digolaganang le dibuka tsa go ithuta go buisa ka ditlhogo tsa tsone tse di tshwanang.Ditshwantsho tsa mebala e mentle e e tseneletseng le mekwalo ya go buisetsa kwa godimodi dira mmogo go dira gore ba rate kgang le go rata go buisa. Go tlotla ka ditshwantshogo tla godisa dikgono tsa morutwana tsa go leba ditshwantsho le go di tlhalosa e bile goba rotloetsa go dirisa tlotlofoko e ntsi e e tlhagisang maikutlo sentle kwantle ga go inyatsa.Kgang nngwe le nngwe e eteletswe pele ke lenaane la mafoko a tlotlofoko a barutwana batshwanetseng go a tlhaloganya gore ba kgone go tlhaloganya kgang.